Maseru
From Wikipedia, the free encyclopedia
Maseru ke motsemogolo ebile gape ke toropokgolo ya Lesotho. Gape ke motsemogolo wa Kgaolo ya Maseru. Go tswa mo Nokeng ya Caledon, Maseru o iphaphathile mo Molelwane wa Lesotho le Afrika Borwa. Maseru o ne a na le baagi ba le 330,760 mo palong ya batho ya 2016. Toropo e e ne ya tlhomiwa jaaka kampa ya mapodisi mme ya tlhophiwa go nna motsemogolo morago ga gore lefatshe le le sirelediwe ke puso ya Boritane ka 1869. Fa lefatshe le le tsaya boipuso ka ngwaga wa 1966, Maseru o ne a tswelela go nna tswelela motsemogolo. Leina la motse o ka puo ya Sesotho le raya "maje a ahibidu a motlhaba".[1][2]
Maseru | |
---|---|
Top: Downtown Maseru; Middle: Our Lady of Victories Cathedral, Basotho Hat Shop; Bottom: Honeymoon Park, Lesotho Parliament Building | |
Coordinates: 29.31°S 27.48°E / -29.31; 27.48 | |
Country | Lesotho |
District | Maseru |
Constituency | Maseru |
Established | 1869 |
Area | |
• Total | 138 km2 (53 sq mi) |
Elevation | 1,600 m (5,200 ft) |
Palo batho (2016 census) | |
• Total | 330,760 |
• Density | 2,397/km2 (6,210/sq mi) |
Time zone | UTC+2 (SAST) |
Climate | Cwb |
Go tswa kwa tshimologong Maseru e ne e le toropo e e neng e tsamaisiwa ka ditsamaiso tsa puso magareng ga ngwaga wa 1969 go ya ko 1971, pele ga tsamaiso ya Basutoland e fetolelwa kwa go ya Cape Colony. Ka nako ya puso ya bone magareng ga dingwaga tsa 1871 le 1884, Basutoland e ne e tsewa jaaka nngwe ya dikgaolo tse di tsentsweng mo kgatelelong/ kutlobotlhoko e e feteletseng ke Basotho.[3] Se se ne sa baka dintwa tsa ditlhobolo ka ngwaga wa 1881 mo go neng ga baka tshenyo ya dikago ka molelo mo Maseru. ka ngwaga 1884, Basutoland e ne ya ya buselediwa maemo a yone jaaka Crown colony, Mme Maseru a dirwa motsemogolo gape. ka Basutoland e neng e tsaya boipuso e ne ya nna bogosi jwa Lesotho ka 1966, mme Maseru a sala e ntse e le motsemogolo .[4]
Pele ga Lesotho e tsaya boipuso, Maseru o ne a le monnye; o ne ale mo melelwaneng e e tlhalositsweng sentle ya bokolone mme o ne a sena sebaka sa go gola, fa Boritane ba ne ba sena kgatlhego ya go tlhabolola toropo ee. Morago 1966 Maseru o ne a gola ka bonako: lefelo le le ne la atlologa ga supa, go tswa mo go dikilometareng tse di masome mabedi (7.7 sq mi) go ya kwa le goletseng teng mo bogompienong ka dikilometera di le 138 (53 sq mi), ka ntlha ya go kopanngwa ga metse le metsana e e neng e le gaufi le toropo ka boyone.[4] Dipalo tsa koketsego ya batho tsa ngwaga le ngwaga e ne ya nna 7% dingwagangwaga, pele ga di fokotsega go nna 3.5% bo dingwageng tsa 1986 le 1996.[4]
Morago ga ditlhopho tsa mapalamente tsa 1998 kwa Lesotho go ne ga ipelaetswa fa go nnile le tsietso ya ditlhopho le go tsenelelwa ke masole a Aforika Borwa mo go neng ga baka tshenyo e ntsi mo toropong, dikhuduego le go thukutha.[5] Ditshenyegelo tsa go baakanya tshenyo e e dirilweng mo motseng di ne tsa akanyediwa go nna dibilione di le pedi tsa di-rand (didolara di le dimilione di le 350),[6] go fitlha ka ngwaga wa 2008, ditlamorago tsa dikhuduego di ne di sa ntse di bonwa mo motseng.[7]