Gaborone
From Wikipedia, the free encyclopedia
Gaborone (Seisimane /ˌɡæbəˈroʊniː/ or /ˌxɑːbəˈroʊneɪ/), ke leina le le gatisitsweng kana le le biditsweng go reelela toropo ka Kgosi (Kgosi Gaborone). Gaborone ke toropo kgolo mo Botswana, e na le palo ya batho ba le 191,776. Dipalo tse di gatisitswe ka ngwaga wa 2006 go ya ka dipatlisiso tsa ba palo batho, se e le sesupo sa gore 10% ya Botswana jotlhe ka bophara e kwa Gaborone.
Gaborone | |
---|---|
Toropo | |
From top to bottom: skyline view of Gaborone, statue of Seretse Khama, the city centre of Gaborone, bird's-eye view of Gaborone | |
Nickname(s): Gabs, GC, Gabz, G-City | |
Satellite image of Gaborone | |
Coordinates: 24°39′29″S 25°54′44″E{{#coordinates:}}: cannot have more than one primary tag per page | |
Naga | Botswana |
Kgaolo | Gaborone |
Kgaolo-potlana | Gaborone |
Hlômile | 1964[1] |
Named for | Kgosi Gaborone |
Government | |
• Type | City commission government |
• Body | Gaborone City Council |
• Mayor | Haskins Nkaigwa (BMD)[2] |
• Deputy Mayor | Florence Shagwa (BCP)[2] |
Sekgôba | |
• Toropo | 169 km2 (65 sq mi) |
Elevation[3] | 983 m (3,225 ft) |
Setšhaba (2011) | |
• Toropo | 231,626 |
• Phitlaganyo | 1,400/km2 (3,500/sq mi) |
• Metro | 421,907 |
Time zone | Central Africa Time (UTC+2) |
Website | Gaborone City Council Website |
Toropo ya Gaborone e agetswe fa gare ga thaba ya Kgale le Oodi, fa nokeng ya Notwane, mo borwabotlhaba jwa Botswana, gape e gaufi le molElwane wa Afrika Borwa. Toropo e e, nale lebala la difofane la Sir Seretse Khama kwa difofane di gorogelang teng. Ke kgaolo ya bodiredi le boeteledipele ka bo yone, gape ke motsemogolo wa kgaolo ya metse e e mo borwabotlhaba. Banni ba Botswana ba bitša toropo e ba re Gabs kana GC fa ba e boka.
Gaborone o ne a agiwa go nna motsemogolo ka ngwaga wa 1960 fa lefatshe la Bechuanaland Protectorate le tsaya puso, fa e nna lefatshe le le ikemetseng ka nosi. Mo gare ga toropo e go na le madirelo a dikgwebo, marekisetso, le mafelo a ga goromente a agilweng kwa bophirima jwa marekisetso . Toropo e ke nngwe ya ditoropo tse di golang mo lefatsheng, se se bakile mathata a tlhaelo ya lefatshe le go ipaya mo go seng ka fa molaong. Toropo e e nale dikgotlhang tse di tsenang mo lefatsheng go tswa ko Zimbabwe le Afrika Borwa ka ngwaga wa 1980.