![cover image](https://wikiwandv2-19431.kxcdn.com/_next/image?url=https://upload.wikimedia.org/wikipedia/commons/thumb/0/06/Flag_of_Zambia.svg/langtn-640px-Flag_of_Zambia.svg.png&w=640&q=50)
Zambia
From Wikipedia, the free encyclopedia
Zambia ( /ˈzæmbiə/), yo o itsegeng lefatshe ka bophara ka leina la lefatshe la Zambia, ke lefatshe le le dikaganyeditsweng ke mafatshe a mangwe. Mafatshe a mabapi ke la Congo mo bokone, Tanzania mo bokone botlhaba, Malawi mo botlhaba, Mozambique, Zimbabwe, Botswana le Namibia mo borwa, le Angola mo bophirima. Toropo kgolo ke Lusaka, e e bonwang kwa borwa bogare jwa lefatshe. Palo tsa batho di kitlanye thata mo toropo kgolong ebong Lusaka mo borwa le kwa kgaolwaneng ya Copperbelt Province go ya bokone bophirima.
Zambia Republic of Zambia (Sekgowa) Icalo ca Zambia (Bemba) Cisi ca Zambia (Tonga) Naha la Zambia (Lozi) Dziko la Zambia (Nyanja) Charu cha Zambia (Tumbuka) | |
---|---|
Motto: "One Zambia, One Nation" | |
Diteme tsa semmusô | Sekgowa |
Demonym(s) | Zambian |
Fatshe | |
• Total | 752,617 km2 (290,587 sq mi) (38th) |
Ka kgwedi ya Phalane a tlhola masome a mabedi le bone ngwaga wa 1964, lefatshe le ne la tsaya boipuso jwa lone go tsweng kwa lefatsheng la United Kingdom mme tona Rre Kenneth Kaunda o ne a tswengwa mo stlilong sa botautona.Phutlhego ya Kaunda's socialist United National Independence Party (UNIP) e ne ya tsaya marapo a go busa go tsweng ka ngwaga wa 1964 go ya kwa go wa 1991. Go tsweng ka ngwaga wa 1972 go ya kwa go wa 1991 lefatshe la Zambia e ne e le lefatshe la phutlhego e ngwefela, maikaelelo a se e ne e le go kopanya lefatshe go nna lengwefela ka sekano sa 'Zambia o mongwefela, lefatshe le lengwefela'. Kaunda o ne an fengwa ke Frederick Chiluba wa phuthego ya social-democratic Movement for Multi-Party Democracy ka ngwaga wa 1991,ka yone nako e lefatshe la Zambia le ne la nna le kgolo ya itsholelo ka selekanyo se se kwa godimo[1].