From Wikipedia, the free encyclopedia
Zindziswa "Zinzi" Mandela o tshotswe ka ngwaga wa 1960, Sedimonthole a le malatsi a le masome mabedi le boraro, a tlhokafala ka ngwaga wa 2020, Phukwi a le malatsi a le lesome le boraro.[1] O ne a itsege gape ka leina la Zindzi Mandela-Hlongwane. E ne e le moemedi wa mafatshe wa mo Aforika Borwa gape ele mmoki, e le ngwana wa balwela ditshwanelo le mapolotiki a kwa Aforika Borwa; Winnie Madikizela-Mandela le Nelson Mandela. Zindzi e ne e le ene ngwana o monnye ebile e le mosetsana wa boraro mo baneng ba ga Nelson Mandela, ba akaretsa mogolowe Zenani Mandela.[2][3]
Her Excellency Zindzi Mandela-Hlongwane | |
---|---|
Ambassador to the Kingdom of Denmark from South Africa | |
In office 2015 – 13 July 2020 | |
President | Jacob Zuma Cyril Ramaphosa |
Morago Ga Gagwe | Graça Machel (step-mother) |
Stand-in First Lady of South Africa | |
In office 1996–1998 Serving with Zenani Mandela-Dlamini (sister) | |
President | Nelson Mandela (father) |
Ka Ga Ena | |
O tsetswe | Zindziswa Nobutho Mandela 23 Sedimonthole 1960 Soweto, Union of South Africa |
O Tlhokafetse | 13 Phukwi 2020 59) Johannesburg, South Africa | (aged
Polokelo | Fourways Memorial Park Cemetery |
Mosetshaba wa | South African |
Mo/Bakapelo |
|
Bana | 4, including Zoleka |
Batsadi | |
Ba lolapa |
|
Alma mater | University of Cape Town |
O berekile e le moemedi wa Aforika Borwa kwa lefatsheng la Denmark go fitlhelela a tlhokafala ka ngwaga wa 2020,[4] o ne a lebanwe ke go ya go nna moemedi kwa Liberia.[5] O berekile gape a tshwareletse maemo a mme o o kwa godimo ka ngwaga wa 1996 go tsena 1998.[6]
Kgobokanyo ya maboko a gagwe e e bidiwang Black As I Am, e gatisitswe ka ngwaga wa 1978, dinepe di tserwe ke Peter Magubane.[7]
Zindzi Mandela o tshotswe ka ngwaga wa 1960, Sedimonthole a le malatsi a le masome a mabedi le boraro kwa Soweto, ke Nelson le Winnie Mandela.[8][9] Ngwaga ya matsalo a gagwe ke ngwaga e phathi ya sepolotiki ya African National Congress (ANC) e neng e simolola sesole. Batsadi ba gagwe ba ne ba batliwa ke puso.[10] Zindzi o ne a le dikgwedi di le lesome le boferabobedi fa rragwe a romelwa kwa kgolegelong.[9] Mo bosheng jwa gagwe, o ne a tlogelwa mo tlhokomelong ya ga mogolowe Zenani Mandela, fa mmagwe a ne a le mo kgolegelong dikgwedi.[11]
Ka ngwaga wa 1977, fa mmaagwe a ne a kobelwa kwa Orange River State, Zindzi o ne a ya go nna le ene koo. Zindzi o ne a seka a kgona go fetsa sekolo go fitlhelela a romelwa kwa Swaziland kwa janong go bidiwang Eswatini.[10] Moragonyana mmagwe o ne a letlelelwa go boela kwa Soweto. [11]Rragwe Zindzi o ne a gololwa ka ngwaga wa 1985 ke tautona wa nako eo P.W Botha. Phetolo ya ga rragwe e ne ya seka yya kgona go isiwa ke ope wa batsadi ba gagwe, ka jalo Zindzi o ne a tlhophiwa go bala phetolo ya gagwe, e a neng a gana, kwa bokopanong jwa ngwaga wa 1985, Tlhakole a le malatsi a le lesome.[12]
Maboko a gagwe a gatisitswe ka ngwaga wa 1978 mo bukeng ya Black As I Am, e na le dinepe tse di tserweng ke Peter Magubane,[13] a tlhageletse gape mo dikgatisong di akaretsa Somehow We Survive: An anthology of South African Writing, e e tlhabolotsweng ke Sterling Plumpp [14]ka ngwaga wa 1982, le mo Daughters of Africa: International Anthology of Words and writings by Women of African Descent e e tlhabolotsweng ke Margaret Busby ka ngwaga wa 1992.[15] Zindzi o ithutetso molao kwa University of Cape Town,[10][16] kwa a alogileng ka BA ka ngwaga wa 1985.[17]
O kile a emela mosadi wa ntlha o o botlhokwa mo Aforika Borwa go tswa ka ngwaga wa 1996 go tsena 1998, ka dinako tsa batsadi ba gagwe ba tlhalana, rragwe a nyala mosadi o mongwe Graca Machel.[18]
Zindzi o ne a tlhomiwa moemedi wa lefatshe la Aforika Borwa kwa Denmark ka ngwaga wa 2015.[19] O gorogile lantlha kwa Denmark ka Seetebosigo ngwaga wa 2015. Ka Seetebosigo 2019, fa a ntse a le moemedi kwa Denmark, akhaonte ya ga Mandela ya Twitter e ne ya romela metseletsele ya di "tweet" tse di neng di dirisa mafoko a a bogale. Mandela-Hlongwane mo kgweding e e fetileng o ne a supile lorato lwa gagwe le tlotlo mo go moeteledipele wa Economic Freedom Fighters (EFF) Julius Malema.[20]
Zindi o nyetswe gabedi, o ne a na le bana ba le bane le monna wa gagwe wa ntlha: morweetsana Zoleka o o tshotsweng ka ngwaga wa 1980 a tlhokafala ka ngwaga wa 2023, le basimane Zondwa wa 1985, Bambatha wa 1989 le Zwelabo wa 1992.[21] Monna wa gagwe wa ntlha e ne e le Zwelibanzi Hlongwane.[22][23] O ne a nyala monna wa gagwe wa bobedi ebong Molapo Motlhajwa, o neng e le leloko la South African National Defence Force ka Mopitlo ngwaga wa 2013.[24]
Mandela-Hlongwane go bolelwa fa a ne a dumalane go rulaganya motshameko wa mabole gareng ga Floyd Mayweather le Manny Pacquiao ka matsalo a ga rragwe ka ngwaga wa 2011. Motshameko o ne wa seka wa diragala, mme morotloetsi Duane Moody o ne a pega kgetsi e a neng a atlega mo go yone, kwa kgotlatshekelong ya US gore Zindzi a mo duele di milione tsa di dolara di le nne le bosupa. Go ne go solofetswe gore Mandela- Hlongwane o tla a tsenya kopo ya ikuelo.[25]
Zindzi o tlhokafetse ka ngwaga wa 2020, Phukwi a le lesome le boraro a le dingwaga di le masome a matlhano le boferabongwe kwa sepateleng kwa Johannesburg.[1][26] Go ne ga bolelwa gore o ne a tshwerwe ka bolwetsi jwa COVID-19 ka phitlho ya gagwe.[27] O ne a fitlhiwa go bapa le mmagwe, Winnie Madikizela-Mandela kwa Fourways Memorial Park ka Phukwi a le lesome le bosupa, letsatsi pele ga matsalo a ga rragwe, Nelson Mandela a bo lekgolo le bobedi.[28]
Seamless Wikipedia browsing. On steroids.
Every time you click a link to Wikipedia, Wiktionary or Wikiquote in your browser's search results, it will show the modern Wikiwand interface.
Wikiwand extension is a five stars, simple, with minimum permission required to keep your browsing private, safe and transparent.