Zimbabwe
From Wikipedia, the free encyclopedia
Remove ads
Zimbabwe (/zɪmˈbɑːbweɪ, -wi/; Shona pronunciation: [/z ⁇ i.mba.bwe/]), semmuso ke Republic of Zimbabwe, ke lefatshe le le senang tleseletso e tsenang mo lewatleng mo Borwa jwa Afrika, fa gare ga dinoka tsa Zambezi le Limpopo, le tlhakanetseng molelwane le Afrika Borwa kwa borwa, Botswana kwa borwabophirima, Zambia kwa bokone, le Mozambique kwa botlhaba. Motsemogolo le toropo e kgolo go di feta tsotlhe ke Harare, mme toropo ya bobedi e kgolo go di feta tsotlhe ke Bulawayo.


Lefatshe le le na le batho ba ka nna dimilione di le lesome le borataro, le dikete tse thatarogo ya ka palobatho ya ngwaga wa 2024,[13] morafe o mogolo wa Zimbabwe ke Ba-Shona, ba ba dirang 80% ya baagi, ba latelwa ke Ba-Ndebele ba Bokone le merafe e mengwe e mennye. Lefatshe la Zimbabwe le na le dipuo di le 16 tsa semmuso,[14] tse di tlwaelesegileng thata ke Sekgoa, Se-Shona le Se-Ndebele. Zimbabwe ke leloko la United Nations, Southern African Development Community, African Union, le Common Market for Eastern and Southern Africa.

Kgaolo e e sale go nna batho ba lotso lwa San kwa go yone, ga tloga ga nna batho-bantsho dingwaga di ka nna dikete tse pedi tse di fetileng. Ka century ya bo lesome le motso, batho ba lotso lwa Shona ba ne ba aga toropokgolo ya Great Zimbabwe, e e neng ya nna nngwe ya dikgaolo tse dikgolo tsa thekiso mo Aforika ka century ya bo lesome le boraro.[15] Go tswa foo, go ne ga simololwa Kingdom of Zimbabwe, e salwa morago ke magosi a Mutapa le Rozvi. Kompone ya British South Africa ya ga Cecil Rhodes e ne ya fudugela kwa Rhodesia ka 1890 fa ba sena go fenya Mashonaland, morago ba fenya Matebeleland ka ngwaga wa 1893 morago ga ntwa ya ntlha ya BaNdebele.
Robert Mugabe o ne a nna tonakgolo wa kwa Zimbabwe ka ngwaga wa 1980 fa phathi ya gagwe ya sepolotiki ya ZANU-PF e ne e fenya ditlhopho morago ga go fedisiwa ga kgatelelo ya batho bantsho ke batho basweu, mme fa e sale jalo phathi e ke yone e e laolang. O ne a nna tautona wa lefatshe la Zimbabwe go tswa ka ngwaga wa 1987 morago ga go fetolela tsamaiso ya palamente go nan ya tautona, go fitlhelela a tlogela tiro ka ngwaga wa 2017. Mo pusong ya kgokgontsho ya ga Mugabe, maphata a tshireletso sechaba a ne a laola lefatshe ebile a ikgatholosa ditshwanelo tsa batho, selo se se neng sa kgalwa thata mo lefatsheng ka bophara.[16] Go tswa ka ngwaga wa 1997 go tsena ka wa 2008, itsholelo e ne ya wela tlase ka bonya, mme morago ya phutlhama, le fa morago ga foo e ne ya gola go sena go dirisiwa ledi le sele kwa ntle ga dolara ya Zimbabwe. Ka ngwaga wa 2017, morago ga ngwaga wa dipopelelo tse di supang go ngongoregela puso ya gagwe le itsholelo e e welang tlase, go menola puso go ne ga baka gore Mugabe a ithole marapo. Fa e sale jalo ga busa tautona Emmerson Mnangagwa e le ene tautona wa Zimbabwe.
Remove ads
Tlholego
Leina "Zimbabwe" le tswa mo lefokong la puo ya SeShona le le rayang Great Zimbabwe, toropo ya bogologolo (Masvingo) e e kwa borwa-botlhaba jwa lefatshe le. Megopolo e le mebedi e bua ka ditso tsa lefoko le. Metswedi e le mentsi e supa fa Zimbabwe a tswa mo dzimba-dza-mabwe, le ranotswe go tswa mo puong ya Karanga go raya "matlo a maje".[17][18][19]Batho ba ba buang Karanga ba lotso lwa Shona ba nna mo tikologong ya Great Zimbabwe kwa e leng Masvingo gompieno.

Remove ads
Metswedi
Wikiwand - on
Seamless Wikipedia browsing. On steroids.
Remove ads